A o batla go ithuta bokgoni jo bo ntšha mahala?

A re ithuteng ka puo ya gago, ka nako ya gago le mo mogaleng wa gago.

Thuto ka phasalatso ya mo inthaneteng ka go dirisa WordPress

Mo thutong eno, o tla ithuta go kwala le go phasalatsa diteng mo inthaneteng. O tla bona dikakantsho tsa go baakanyetsa dikgang, go bona metswedi ya tshedimosetso ya dikgang tsa gago le go kwala le go phasalatsa diteng tsa ntlhantlha tse batho ba tla batlang go di bala. Gape o tla rutiwa go dirisa WordPress, e leng sedirisiwa se se itsegeng thata le se se dirisiwang thata sa go phasalatsa mo inthaneteng. Go na le mesola e le mmalwa ya go ithuta go phasalatsa mo inthaneteng:

  • O tla ithuta bokgoni jo o ka bo fetisetsang kwa bathong ba bangwe – jo bo jaaka go kwala puisano le go baakanya mokwalo – jo o ka bo kwalang mo CV ya gago le go bo dirisa mo tirong ya gago ya mo isagweng.
  • Go feta diperesente dile masome a mane a diwebosaete tsotlhe mo inthaneteng di dirilwe ka WordPress ka jalo go itse go e dirisa go tla go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go dirisa didirisiwa tsa dijithale.
  • O ka nna mogatisi wa gago. Dirisa se o se ithutileng mo thutong eno go itirela webosaete ya gago mahala! O ka kwala ka sengwe le sengwe se o se batlang – dijo, tlholego, kgwebo, kgwele ya dinao, jalo le jalo. Seno se ka dira gore o kgone go fitlhelela batho ba le bantsi le go atolosa botsalano jwa gago le bone. O tlile go nna motlhami wa dikgang tsa SeAforika – mokwadi, e seng fela mmadi. O ka nna wa bo wa simolola kgwebo ya gago ya mo inthaneteng!

Thuto 1: Go rulaganya le go baakanyetsa kgang ya gago

Mo thutong eno, o tla ithuta go rulaganya le go baakanyetsa go kwala kgang ya gago. Seno se akaretsa go tlhopha setlhogo, go tlhaloganya gore ke tshedimosetso efe e e setseng e kwadilwe ka setlhogo se o se tlhophileng le gore o ka bona kae metswedi ya tshedimosetso e e ka go thusang go kwala ya gago.

Kwa bokhutlong jwa thuto eno o tla bo o tlhaloganya gore o ka:

  • Rulaganya o bo o dire dipatlisiso ka kgang ya gago
  • Batla metswedi ya tshedimosetso e o tla e dirisang mo kgangeng ya gago
  • Rulaganya kgang ya gago gore go nne motlhofo le monate go e bala

Thuto 2: Dikgato tsa go phasalatsa kgang ya mo inthaneteng

Mo thutong eno, o tla ithuta ka botlalo gore o ka tsena jang mo webosaeteng go phasalatsa kgang ya gago. Seno se akaretsa: 

  • Go tsena mo webosaeteng,
  • Go kwala kgang ya gago,
  • Go rulaganya mokwalo wa gago, 
  • Go tsenya mmedia, matshwao le ditlhopha mo kgannyeng ya gago, le
  • Go e boloka gore o tle o e sekaseke.

Ka maikaelelo a thuto eno, re tla dirisa webosaete ya Diji jaaka sekai sa webosaete ya WordPress.

Kwa bokhutlong jwa thuto eno o tla bo o itse go:

  • Tsena mo webosaeteng ya WordPress
  • Kwala le go rulaganya kgang ya gago
  • Tsenya mmedia mo kgannyeng ya gago
  • Tsenya ditlhogo le matshwao mo kgannyeng ya gago
  • Boloka kgang ya gago
  • Baakanya mokwalo wa kgang ya gago morago ga gore o e boloke