Thuto 2: Dikgato tsa go phasalatsa kgang ya mo inthaneteng

Mo thutong eno, o tla ithuta ka botlalo gore o ka tsena jang mo webosaeteng go phasalatsa kgang ya gago. Seno se akaretsa:

  • Go tsena mo webosaeteng,
  • Go kwala kgang ya gago,
  • Go rulaganya mokwalo wa gago,
  • Go tsenya mmedia, matshwao le ditlhopha mo kgannyeng ya gago, le
  • Go e boloka gore o tle o e sekaseke.

Ka maikaelelo a thuto eno, re tla dirisa webosaete ya Diji jaaka sekai sa webosaete ya WordPress.

Kwa bokhutlong jwa thuto eno o tla bo o itse go:

  • Tsena mo webosaeteng ya WordPress
  • Kwala le go rulaganya kgang ya gago
  • Tsenya mmedia mo kgannyeng ya gago
  • Tsenya ditlhogo le matshwao mo kgannyeng ya gago
  • Boloka kgang ya gago
  • Baakanya mokwalo wa kgang ya gago morago ga gore o e boloke

Tlhaloso ya dikgato

Pele ga o tsena, fa e le gore o batla go kwadisa akhaonto mme ga o ise o dire jalo:

  1. Tsena mo go www.diji.africa/tn/wp-admin,
  2. Tobetsa konopo e e fa tlase ya “Register” mme
  3. Latela ditaelo go feleletsa ikwadiso ya akhaonto ya gago.

Kgato 1: Tsena

If you have registered an account and want to log in, follow these steps:

  1. Tsena mo go www.diji.africa/tn/wp-admin (Ke fa o tsenang teng).
  2. Kwala leina la gago la tiriso kgotsa aterese ya imeili mo lebokosong la ntlha.
  3. Kwala phasewete ya gago mo lebokosong la bobedi. *
  4. Tobetsa lebokoso la “Remember Me’
  5. Tobetsa mo lebokosong la “Log In”.

*O ka fetola phasewete ya gago ka go tobetsa “Lost your password?” mo tsebeng ya go tsena. Tlhomamisa gore phasewete ya gago e ntšha e nonofile ka go tsenya dilo tse di jaaka matshwao, jaaka @, ! le *, ditlhakakgolo le dinomoro. Boloka phasewete ya gago e sireletsegile gore go se ka ga nna le ope yo o e bonang.

Kgato 2: Kwala kgang (kgaso)

Fa o sena go tsena mo akhaontong ya gago, o tla bona gore go tlhaga mola o montsho kwa godimo ga tsebe. Go ikatisa dikgato tse di fa tlase, bula lenaane le lesha. Seno se tla go letla gore o dire thuto, le go ikatisa se o se ithutang, ka nako e le nngwe.

  1. Tobetsa “+”
  2. Go tla tlhaga lenaane la dilo tse o ka di tlhophang. Tobetsa “Post”.
  1. WordPress e bitsa dikgang e re ‘posts’. Fa o batla go tsenya kgaso e ntšha, tobetsa letshwao la +
  2. Go tla tlhaga lenaane la dilo tse o ka di tlhophang. Go simolola kgaso, tobetsa “Post”.
  3. O tla isiwa kwa tsebeng e mo go yone o ka tsenyang setlhogo le mokwalo wa se o se kwadileng mo kgasong ya gago.

Tsenya setlhogo mo kgasong ya gago

Jaanong o siametse go simolola go kwala kgang kgotsa kgaso ya gago. O tla simolola ka go kwala setlhogo mme morago o bo o kwala ‘bogare’ jwa kgaso ya gago:

  1. Simolola go kwala kgang ya gago ka go tsenya setlhogo.
  2. Mo lebokosong la ntlha (le le reng “Add title”) o tla kwala setlhogo sa kgang ya gago (kgaso).
  3. Setlhogo sa gago se tshwanetse go tlhalosa se se mo teng ga kgang ya gago. Mo sekaing “Ukupheka” e kwetswe mo lebokosong.

Kwala bogare jwa kgang ya gago

Mo lebokosong la ntlha, o kgona go bona gore setlhogo se tsentswe. Jaanong o siametse go tsenya mokwalo wa gago (o gape o bidiwang bogare) wa kgang ya gago kgotsa kgaso:

  1. Mo lebokosong la bobedi le legolo le le kafa tlase ga setlhogo, simolola go kwala mokwalo wa gago.
  2. Mo sekaing seno go tsentswe mokwalo o o latelang:  “I-athikili yami yokuqala yokupheka lena ngyethemba ukuthi nizokujabulela ukuyifunda.” / “Eno ke kgang ya ntlha e ke e kwadileng e e buang ka go apaya. Ke solofela gore o tla itumelela go e bala.”
  3. Seno ke tshimologo fela ya kgang ya gago. O ka tsenya mokwalo o montsi jaaka o batla, mme wa o rulaganya ka tsela e o batlang ka yone.

Go tlosa popego ya mokwalo o o kopolotsweng

Go kopolola le go manamisa mokwalo go tswa mo metsweding e e farologaneng go ka dira gore go nne le ditsebe tsa webo tse di tlhakatlhakaneng thata. Go botoka go kwala kgang ya gago mo WordPress o bo o e boloka gore o tle o dire mo go yona moragonyana. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o kwadile mokwalo wa gago felo gongwe (Microsoft Word, Google Docs) mme o batla go le kopolola le go le manamisa mo kgasong ya gago, o tshwanetse go tlosa popego epe fela e e leng teng ka go:

  • Go kopolola mokwalo go tswa mo Google kgotsa mo Word
  • Tobetsa ka fa mojeng mo kgannyeng mo o batlang go tsenya mokwalo mo teng mme
  • “Past and Match Style” (taelo eno e ka nna ya farologana go ya ka di-web browser tse di farologaneng).

Gape o ka dirisa GMail go tlosa popego pele o e tsenya mo kgannyeng ya gago ka go:

  1. Go manamisa mokwalo wa gago mo imeiling e e sa felelang
  2. Go tobetsa “More options” (dintlha tse tharo kwa tlase ga GMail toolbar)
  3. Go tobetsa “Plain text mode”
  4. Go kopolola le go manamisa mokwalo mo kgannyeng ya gago mo kgannyeng ya WordPress.

Mekgwa eno e tla tlosa popego mo kgannyeng ya gago. Go tswa foo o ka e rulaganya gore e kgone go dirisiwa mo inthaneteng (leba Kgato 3 e e fa tlase).

Kgato 3: Rulaganya se o se kwalang

O ka dira gore kgaso ya gago e lebege botoka ka go dirisa didiriswa tse di tlwaelegileng tsa go rulaganya e e jaaka go dira lenaane, go tsenya ditlhogo, go kwala ka mokwalo wa bold kgotsa ka mokwalo wa italics. Fela jaaka Microsoft Word, o ka tobetsa “B” mo menu go dira gore mokwalo o nne thata/bold kgotsa “I” fa o batla go dira gore mokwalo o nne o o sekameng/wa italic. Lefoko le lengwe le le rayang go rulaganya dilo ke go baakanya.

Didiriswa tsa go rulaganya

Go tsenya setlhogo

Ditlhogo di go thusa go kgaoganya mokwalo wa kgang ya gago le go dira gore go nne motlhofo go e bala. O ka tsenya ditlhogo tse di farologaneng le e leng ditlhogwana fa e le gore o kwala ka sengwe ka botlalo.

  1. Sa ntlha, tlhopha setlhogo pele ga o se kwala.
  2. Go tswa foo, tobetsa letshwao la + go tsenya lebokoso mme o tlhophe lebokoso la “Heading”. Fa o sa e bone, o ka e senka mo kholomong ya go senka mo go reng, “Search for a block”

3. Kwala setlhogo sa gago. Se tla tsenngwa jaaka ‘Setlhogo 2’ , e e siametseng setlhogo mo teng ga mokwalo. O ka tsenya ditlhogo tsa maemo a a farologaneng go ikaegile ka se o se tlhokang. Sekai. Fa e le gore o kwala ka go apaya, o ka nna wa tsenya “Mefuta ya Merogo” jaaka setlhogo sa H2 mme morago ga moo o tsenye “Ditamati”, “Dieie” le “Sepenatšhe” jaaka ditlhogwana tsa H3 tsa “Mefuta ya Merogo”.

4. Fa o tobetsa konopo ya  “Enter”, mola o o latelang o tla boela kwa mokwalong o o tlwaelegileng (ke gore. Mokwalo wa temana).

Boloka tiro ya gago

O tshwanetse go boloka kgang ya gago fa o ntse o e baakanya gore diphetogo tse o di dirileng di se ka tsa latlhega. Go dira seno tobetsa konopo ya “Save draft” kwa godimo mo tsebeng. Fa e le gore o dirisa founo ya selula, konopo eno e tla nna motsu o monnye le letshwao la leru.

Tirwana 2.1

Jaanong dirisa se o se ithutileng go dira kgang ya gago ya ntlha mo WordPress. O se ka wa tshwenyega, ga go tlhokege gore e bo e itekanetse. Dira kgaso e ntšha, tsenya tlhogo mme o kwale mafoko mangwe mo karolong ya go kwala bogare. Fa o sena go dira seno, boloka kgang eo.

Diboloko

WordPress e dirisa diboloko tse di farologaneng go go thusa go rulaganya kgang ya gago. Ka jalo, fa o batla go tsenya setlhogo, o tla tsenya lebokoso la setlhogo jaaka fa tlase.

Fa o batla go tsenya sengwe mo lenaaneng, o ka dirisa boloko ya lenaane.

O ka tsamaisa diboloko ka go dirisa metswi e e yang kwa godimo le kwa tlase.

Gape o ka fetola mofuta wa boloko ka go tobetsa boloko, o tobetsa letshwao la yone le le kwa godimo mo molemeng wa sekirini. Fa tlase ga mokwalo wa, “Transform to” o ka tlhopha mofuta o mosha wa boloko o o batlang go o dirisa.

Dira lenaane

O ka dirisa matshwao kgotsa dinomoro go dira lenaane. Manaane a thusa gore go nne motlhofo go bala le go rulaganya tshedimosetso.

  1. Fa o batla go dira lenaane, tobetsa letshwao la + go tsenya boloko mme o tlhophe boloko ya “List”. Fa o sa e bone, o ka e senka mo kholomong ya go senka e e reng, “Search for a block” .
  2. Tsenya selo sa ntlha mo lenaaneng la gago.
  3. Nako le nako fa o tsenya selo se se ntšha ka go tobetsa “Enter” mme o bo o ya kwa moleng o o latelang, go tla dirwa letshwao le le ntšha.

Go tsenya di-hyperlink

Di-hyperlink ke di-link tse di isang kwa diteng tse dingwe tse di mo inthaneteneng. O ka nna wa golaganya go ya kwa setlhogong se sengwe mo go yone webosaete eo (hyperlink ya ka fa teng) kgotsa go ya kwa go e nngwe (hyperlink ya ka kwa ntle). Go tsenya hyperlink:

  1. Tlhopha mokwalo o o batlang go o dirisa go tlhama hyperlink. Sekai. Fa o kwala ka merogo, o ka nna wa golaganya lefoko “ditamati” le setlhogo se se rileng se se buang ka mefuta e e farologaneng ya ditamati.
  2. Fa o sena go tlhopha mokwalo wa hyperlink, tobetsa konopo e e go romelang kwa go one (e e lebegang jaaka ketane) e e kwa godimo mo sekirining.
  3. Fa o golaganya le setlhogo sengwe mo webosaeteng e o berekang mo go yone, o ka kgona go batla ditlhogo mo webosaeteng eo. Fa o golaganya le webosaete e nngwe e e kwa ntle, o tshwanetse go tsenya URL (e gape e bidiwang aterese ya webosaete).
  4. Tshwaya “Open in a new tab” go ya kwa mojeng fa o batla gore hyperlink e bulege mo karolong e ntšha. Mokgwa o o tlwaelegileng ke gore:
    • Ditlhogo tse di mo webosaeteng e le nngwe, di-hyperlink di bulega mo tsebeng e le nngwe.
    • Ditlhogo tse di mo webosaeteng e e kwa ntle, di-hyperlink di bulega mo karolong e ntšha.

Botlhokwa jwa go rulaganya

Ela tlhoko pharologano fa gare ga kgang e e kafa molemeng le e e kafa mojeng. E nngwe e na le mokwalo o o sa rulaganngwang mme e nngwe e na le mokwalo o o rulagantsweng go akaretsa setlhogo le lenaane le le nang le matshwao.

Tirwana 2.2

Boela kwa kgannyeng e o neng o berekile mo go yone pelenyana. Jaanong tsenya dipopego tse dingwe tse di jaaka lenaane le hyperlink.

Kgato 4: Tsenya difaele tsa mmedia

O ka tsenya difaele tsa mmedia go tshwantsha kgang ya gago kgotsa go dira gore e gogele le go kgatlha babadi ba gago. O ka tsenya faele ya mmedia go tswa mo founong ya gago, khomputara kgotsa tablet. Go dira seno:

  1. Tobetsa mo letshwaong la + mo kgannyeng mme o tsenye lebokoso le le ntšha. O ka senka, wa tsenya, setshwantsho, gallery (ditshwantsho di le dintsi), segokaganyi sa modumo kgotsa sa bidio.
  2. O ka kgona go tsenya metswedi ya tshedimosetsogo go tswa mo founong ya gago. Seno se tshwana le go tsenya setshwantsho mo di-app kgotsa mo diwebosaeteng tse dingwe tse di jaaka Facebook, WhatsApp le Instagram.
  3. Fa o setse o tlhophile boloko ya gago ya metswedi ya tshedimosetso , tobetsa konopo ya “Upload”. O tla kgona go tlhopha difaele go tswa mo founung ya gago, khomputara kgotsa tablet, kgotsa o ka tsaya setshwantsho go se tsenya.

4. Fa o sena go tsenya setshwantsho se le sengwe, o ka nna wa swetsa ka gore o tsenye tse dingwe go dira gallery. Go dira seno, fetola mofuta wa boloko:

  • Tobetsa mo lebokosong mme o bo o tobetsa mo letshwaong la lone le le kwa godimo kafa molemeng mo sekirining.
  • Fa tlase ga mokwalo wa, “Transform to” o ka tlhopha mofuta o mo ntšha wa boloko o o batlang go o dirisa, mo lebakeng le, e le gallery. O tla kgona go tlhopha ditshwantsho tse dingwe tse o batlang go di tsenya mo gallery ya gago.

5. Fa o setse o tsentse faele ya gago ya mmedia (setshwantsho, bidio kgotsa modumo) e tla tlhagelela mo  “Media Library” mme badirisi ba bangwe ba tla kgona go e dirisa mo dikgasong tsa bone.

6. Gape o ka dirisa ditshwantsho tse batho ba bangwe ba di tsentseng mo Dilaeboraring tsa Metswedi ya Tshedimosetso ka go tsenya boloko ya metswedi ya tshedimosetso (setshwantsho, gallery, bidio, jalo le jalo), o tobetsa “Media Library” go tswa foo o bo o tobetsa “Select”.

7. Sa bofelo, o ka tsenya diteng tse di tswang kwa mafelong a mangwe. Go tsenya diteng mo webosaeteng ya gago go raya gore e tla tlhagelela mo webosaeteng ya gago. Ka sekai, o ka tsenya boloko ya YouTube mme wa kopolola aterese ya web ya bidio o bo o e tsenya mo webosaeteng ya gago.

Tirwana 2.3

Boela kwa kgannyeng e o e kwadileng kwa tshimologong. Tlhopha dingwe tsa dikwalo mo karolong ya go di fetola mme o dirise mekgwa e e farologaneng jaaka go kwala ka mokwalo o o thata kgotsa ka mokwalo o o sekameng, o dirisa kholomo ya didiriswa. Jaanong tsenya setshwantsho mo kgannyeng eno. Tobetsa “save draft”.

Kgato 5: Tsenya kgang/kgaso ya gago mo setlhopheng

Ditlhopha le matshwao di thusa go rulaganya tshedimosetso e e mo webosaeteng gore baeti ba kgone go e bona motlhofo. Ka sekai, batho ba ba tsenang mo webosaeteng ba ba kgatlhegelang go apaya ba ka nna ba tobetsa mo setlhopheng sa “Go apaya”. Fa ba rata ditamati, ba tla tobetsa letshwao la “Ditamati”.

Tsenya kgang ya gago mo setlhopheng

Fa o fetsa go kwala kgang ya gago, o tshwanetse go e tsenya mo setlhopheng se se rileng o bo o se tshwaya. Go dira seno:

  1. Tobetsa konopo e e mo sekhutlong (cog/ wheel) se se kwa godimo kafa mojeng mo sekirining.

2. Tobetsa “Post” go tswa foo o bo o tobetsa “Categories”. Tobetsa lebokoso le le tsamaisanang le setlhopha se se maleba. Go tla tlhaga letshwao la go tshwaya fano.
3. Mo sekaing se, go bontshiwa setlhopha sa “Cooking”.

Tsenya ‘matshwao’ a a maleba:

Matshwao e tshwanetse go nna mafoko a a tlhalosang megopolo ya konokono mo kgasong ya gago mme a tshwanetse go nna a a maleba go na le ditlhopha tse di tlwaelegileng. Go dira gore go nne motlhofo gore batho ba ba dirisang webosaete eno ba bale matshwao a gago, go molemo gore o nne le tsela e e tlwaelegileng ya go a kwala. Ka sekai, o ka nna wa swetsa gore matshwao a tshwanetse go simolola ka tlhaka e kgolo mme a tshwanetse go kwalwa ka mokgwa wa bontsi. Mo ntlheng eno, matshwao a gago a tla lebega jaana: “Dikherotse” mme e seng “kherote” . Fa o batla go tsenya matshwao mo kgasong ya gago, o tshwanetse go:

  1. Tobetsa konopo e e mo sekhutlong (cog/ wheel) se se kwa godimo kafa mojeng mo sekirining.
  2. Tobetsa “Post” go tswa foo “Tags”.
  3. Fa tlase ga “Add New Tag”, kwala mafoko a konokono a a tlhalosang diteng tsa kgang/kgaso ya gago. Sekai. Fa o kwala mo setlhopheng sa Go apaya, matshwao a gago e ka nna “Dieie” , “Ditamati” le “Lethisi” .
  4. Letshwao le le lengwe le ka nna la bo le lekane go tlhalosa dintlha tsa konokono tsa kgaso. Fa o tsenya tse dingwe, di tshwanetse go kgaoganngwa ka phegelwana.

Fa o setse o tsentse kgang ya gago mo setlhopheng mme o tsentse matshwao otlhe a o a batlang, tobetsa letshwao la ‘X’ kwa godimo kwa sekhutlong se se kafa mojeng sa sekirini go tswala di-settings tsa kgaso le go boela kwa kgannyeng ya gago.

Tirwana 2.4

Akanya kafa o ka kgaoganyang kgang ya gago ka ditlhopha ka teng. E bua ka eng? O ka kopanya jang kgang ya gago le dikgang tse dingwe? Tsenya ditlhopha mo kgannyeng ya gago. Jaanong akanya ka ditlhogo tse di mo kgannyeng ya gago. Tsenya tseno jaaka matshwao.

Kgato 6: Boloka le go romela tiro ya gago

O tshwanetse go boloka kgang ya gago fa o ntse o e baakanya gore diphetogo tse o di dirileng di se ka tsa latlhega. Go dira seno tobetsa konopo ya “Save draft” kwa godimo mo tsebeng. Fa e le gore o dirisa founo ya selula, konopo eno e tla nna motsu o monnye le letshwao la leru.

Fa e le gore o kwalela webosaete, Morulaganyi wa Diteng o tla sekaseka tiro ya gago pele ga o e phasalatsa. Seno se raya gore e tla gasiwa le go phasaladiwa gore batho ba bangwe ba kgone go e bala fa ba etela webosaete eno. Fa o setse o siametse go romela kgang ya gago gore e sekasekwe ke Morulaganyi wa Diteng, tobetsa:

  1. Konopo ya “Publish” mme morago ga moo
  2. Konopo ya “Submit for Review”.

Seno se tla bontsha morulaganyi wa diteng gore o feditse go kwala kgang ya gago le gore e siametse gore a ka se sekaseka.

Baakanya mokwalo wa tiro ya gago

O ka nna wa batla go fetola kgotsa go oketsa sengwe mo kgasong ya gago fa o sena go e boloka. Ka sekai, o ka nna wa batla go tsenya tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa o ka nna wa batla go baakanya sengwe se o se kwadileng. Fa e le gore go ntse jalo, o ka boela kwa kgasong ya gago mme wa tswelela go e fetola. Go e fetola go raya go e baakanya. Go baakanya mokwalo wa kgaso ya gago:

  1. O tshwanetse go ya kwa karolong ya didirisiwa. Gore o fitlhe koo, tobetsa mela e meraro e e mo lenaaneng le le kwa godimo kafa molemeng wa sekirini.
  2. Tobetsa lefoko “Dashboard”.
  3. Go tswa foo, tobetsa lefoko “Posts”. Go tla tlhaga lenaane.
  4. Kwa bofelong, tobetsa mafoko a a reng “All Posts” . Seno se tla go isa kwa lenaaneng la dikgaso tsotlhe.
  5. Batla setlhogo sa kgaso e o batlang go e baakanya.
  6. E tlhophe mme o bo o tobetsa mo lebokosong la “Edit” ka fa tlase ga setlhogo sa gago (mo kgasong e o batlang go e baakanya).
  7. Seno se tla go busetsa kwa kgasong ya gago mme o ka simolola go fetola tiro ya gago go tsenya tshedimosetso e nngwe gape kgotsa go tsenya sengwe se o batlang go se baakanya.

Ela tlhoko: Fa e le gore Morulaganyi wa Diteng o tlhatlhoba tiro ya gago le go phasalatsa dikgang, o ka nna wa se ka wa kgona go baakanya kgaso ya gago fa Morulaganyi wa Diteng a setse a e phasaladitse.

Tshekatsheko

A o kile wa kwala kgang kgotsa wa baakanya CV ya gago ka go dirisa Microsoft Word kgotsa Google Docs? A o kile wa kwala imeili mo Gmail? Akanya fela gore seno se tshwana jang le go kwala kgang mo inthaneteng.

O ka tswa o sa akanye gore o mokwadi, mme a o lemoga gore o rulaganya le go kwala – dilo tse o di kwadileng – letsatsi le letsatsi fa o romela molaetsa wa WhatsApp, o kwala sengwe mo Facebook kgotsa o kwala molaetsa wa imeili. O mokwadi!

Tshobokanyo

Mo thutong eno o ithutile:

  • Tsela ya go tsena mo teng ga WordPress
  • Kafa o ka kwalang kgaso le setlhogo le mokwalo ka teng
  • Kafa nka rulaganyang kgaso ya me ka teng
  • Tsela ya go tsenya faele ya mmedia
  • Ke ka kgaoganya jang kgaso ya me go ya ka ditlhopha
  • Kafa nka tsenyang matshwao ka teng mo kgasong ya me
  • Kafa nka bolokang tiro ya me ka teng
  • Tsela ya go baakanya tiro ya me

Dipotso

Sekaseka kgatelopele ya gago.

Developed with the support of the: