Thuto 1: Go rulaganya le go baakanyetsa kgang ya gago

Mo thutong eno, o tla ithuta go rulaganya le go baakanyetsa go kwala kgang ya gago. Seno se akaretsa go tlhopha setlhogo, go tlhaloganya gore ke tshedimosetso efe e e setseng e kwadilwe ka setlhogo se o se tlhophileng le gore o ka bona kae metswedi ya tshedimosetso e e ka go thusang go kwala ya gago.

Kwa bokhutlong jwa thuto eno o tla bo o tlhaloganya gore o ka:

  • Rulaganya o bo o dire dipatlisiso ka kgang ya gago
  • Batla metswedi ya tshedimosetso e o tla e dirisang mo kgangeng ya gago
  • Rulaganya kgang ya gago gore go nne motlhofo le monate go e bala

Rulaganya o bo o dire dipatlisiso ka kgang ya gago

1. Tlhopha setlhogo

Ke setlhogo se fe se o tlileng go dira dipatlisiso le go kwala ka sone? Go araba potso eno o tshwanetse go ipotsa jaana:

  • A ke setlhogo se se tshwanetseng webosaete e e tla se phasalatsang? Sekao, kgang e e buang ka go nosetsa dimela e siametse webosaete ya go dira mo tshingwaneng mme kgang e e buang ka dibaesekele ga ya e tshwanela.
  • A e tsamaisana le ditlhopha tse di leng teng mo webosaeteng eo?
  • A go setse go na le kgang enngwe mo webosaeteng e e buang ka setlhogo seno kgotsa se se amanang le sone?

2. Metswedi ya tshedimosetso

Fa o setse o tlhophile setlhogo se o tla kwalang ka sone, o tla tshwanelwa ke go batla metswedi ya tshedimosetso e o ka e dirisang go kwala ka yone. Ipotse gore, ke tlhoka tshedimosetso ya mofuta mang mme nka e bona kae?

Mofuta wa tshedimosetso le metswedi e o e tlhokang e tla ikaega ka setlhogo se o se tlhophileng. Fa e le gore o kwala ka go dira mo tshingwaneng o ka bona tshedimosetso ka go:

  • Etela laeborari ya mo lefelong la lona go bona dibuka tse di buang ka go dira ditshingwana
  • Bua le batho ba ba berekang mo ditshingwaneng le mo dipolaseng mo lefelong la lona
  • Go batla tshedimosetso mo inthaneteng. Go tla bo go na le diwebosaete di le dintsi tse di buang ka go lema le go jala.

Fa e le gore o kwala ka batho ba lefelo la selegae, hisitori ya bone le dingwao tsa bone, o ka bona tshedimosetso ka:

  • Go bua le go botsolotsa batho ba ba godileng mo lefelong la lona ba ba ka tswang ba na le tshedimosetso ka hisitori ya lotso le dikgang tsa bagologolwane, dingwao le kitso ya setso.
  • Go bua le batho le go botsolotsa batho ba ba jaaka dingaka tsa setso le baboki.
  • Go batla tshedimosetso mo inthaneteng. Sekai. Ditlhopha dingwe tsa Facebook di na le tshedimosetso e ntsi ka ditlhogo tse di farologaneng go akaretsa le hisitori ya ditso.

3. Go kopisa le go kwalolola

Fa o kwala kgang ya gago, go botlhokwa gore o kwale sengwe se se tlhomologileng le sa ntlhantlha. O se ka wa kwalolola fela metswedi e o e dirisang. Tila go kopisa le go kwalolola tshedimosetso e e kwadilweng ka go latela dikgato tse di latelang:

  1. Bala temana e e go kgatlhang (jaaka o ka bala lokwalodikgang, buka kgotsa kgang)
  2. Tlogela mafoko mme o kwale kgang jaaka o e tlhaloganya – ka tsela e e tshwanang le e o neng o ka bolelela ditsala tsa gago ka yone ka dikgang tse o di badileng mo makwalodikgannyeng/mo dibukeng.

Se se tlileng go tlhaga se tla bo se kwadilwe ka mafoko a gago, ka thulaganyo le ka lentswe la gago. O tla botsa dipotso mo dikarolong dingwe, o tla oketsa tshedimosetso kana o tla gatelela mo go tla bong go itshiametse fela gore o dire jalo. Seno se tla dira gore go nne le dikgang tsa ntlhantlha le tse di kgatlhang.

Go kopisa le go kwala kgang ya boleng jo bo kwa tlase – mokwalo o mohibidu o kwalolotswe go tswa mo kgangeng e nngwe

Tirwana 1.1

Tsela e e molemo ya go tlhatlhanya dikakanyo tsa kgang e ntšha ke go dira mmapa wa mogopolo mo pampitshaneng. Mmapa wa mogopolo ke setshwantsho se se dirisiwang go rulaganya tshedimosetso ka tsela e e bonalang. Sekai sa mmapa wa mogopolo ke seno.

Jaanong dirisa metsotso e le metlhano go itirela mmapa wa gago wa mogopolo wa dikgang tse di ka nnang tsa konokono.

Rulaganya kgang ya gago o bo o e tlhalose sentle

1. Ipaakanyetse go kwala

Go botlhokwa gore o rulaganye kgang ya gago le go akanya ka tsela e e rulagantsweng ka yone pele ga o e kwala. O tshwanetse go itirela setlhogo, o dire tshwetso ya gore o tla simolola setlhogo jang, o tla akaretsa tshedimosetso efe mo karolong ya konokono ya kgang (‘bogare’) ya gago mme la bofelo o bo o dira tshwetso ya gore o tla e fetsa jang.

2. Rulaganya se o se kwalang

Kwala dintlha tsotlhe tsa konokono tse o batlang go di akaretsa mme o bo o di tlhalosa mo ditemaneng. Temana ke setlhopha sa dipolelwana tse di buang ka kakanyo e le nngwe ya konokono. Seno se tla dira gore se o se kwadileng se tlhaloganngwe botoka le gore go nne motlhofo go se bala, fela jaaka go tla nna motlhofo go rulaganya kgang ya gago.

3. Tlhalosa kgang ya gago

Tsenya ditlhogwana (setlhogo sa H2 mo WordPress) go dira gore go nne motlhofo mo mmading. Ditlhogo le ditlhogwana di kgaoganya mokwalo mme di dira gore go nne le phatlha fa gare ga ditemana le mo gare ga dikakanyo.

4. E dire sentle fela

Dirisa dipolelwana tse dikhutshwane le puo e e motlhofo. Nna o bua ka ntlha e e rileng mme, fa e le gore ga o kwale kgang e e tseneletseng kana e e telele, tila go dirisa mafoko a a fetang makgolo a mane mo kgannyeng ya gago. E se ka ya nna e e leele thata e bile e se ka ya nna e e khutshwane thata!

5. Akanya ka go tsenya setshwantsho kgotsa faele ya modumo e e maleba

Go tsenya setshwantsho kgotsa faele ya modumo go dira gore kgang ya gago e kgatlhe le go gogela mmadi!

Tshekatsheko

Jaanong akanya ka setlhogo sa kgang e o ka ratang go e kwala. Rulaganya dintlha tsa konokono tsa kgang eno, o gatelela kafa e tshwanetseng go tlhalosa le go rulaganngwa ka teng.

Tirwana 1.2

Rulaganya kgang ya gago ka go tlhopha ditlhogo tsa konokono tse o batlang go tlotla ka tsone. Tseno e ka nna ditlhogo le ditlhogwana tsa gago. Gape akaretsa metswedi ya tshedimosetso e o ikaeletseng go e tsenya mo kgannyeng ya gago e e jaaka di-daekeramo, ditshwantsho, difaele tsa modumo kgotsa dibidio.

Tshobokanyo

Mo thutong eno o ithutile:

  • Kafa o ka rulaganyang kgang ya gago ka teng, go akaretsa go tlhopha setlhogo, go dira dipatlisiso ka kgang ya gago le dintlha ka go kopisa le tshwanelo ya go kwalolola.
  • Tsela ya go rulaganya kgang ya gago, go akaretsa go e baakanya le go e baya sentle.

Dipotso

Sekaseka kgatelopele ya gago.

Developed with the support of the: